top of page

Mele Wame Ke Wame
Lenaneo La Thibelo Kgokgontsho 
Yabana

Dipotso Tse Di Atleng Di Botswe Ke Bana

Potso: KE ENG BATHO BA GOBATSA BANA?

Karabo: Batho bangwe bane ba kgokgontshiwa ba sale bana, jalo ba fitlhelwe le bone e nna bakgokgontshi.-Ba bangwe bana le bothata jwa nno tagi phetelela, diritibatsi le kutlobothoko e ntsi, ke tsone dingwe tsa dilo tse dika bakang gore ba kgokgontshe bana. Itse gore go bosula go lematsa bana ka tsela epe fela, jalo o tshwanetse wa bolela ga o lemadiwa gore otle o bone thuso.

 

Potso: KE ENG BATHO BA PHORA PHORA BANA?


Karabo: Karabo e katswa e ntse ele gore batho ba, ba kile ba lemadiwa bale ba botlana, gonne bontsi ba dithithomiso di supa jalo, ke ka moo ba lematsang bana. Jalo ba tlhoka thuso le bone gore batle ba fiwe kalafi ee tshwanetseng, gore ba emise go lematsa bana.
 

Potso: KE DIRA JANG FA GO SENA OPE YOO NTUMELANG?


Karabo: Ga go sena ope yoo go dumelang, se ineele, tswelela o bua go fitlhela mongwe a kgathala a go reetsa.

 


Potso: GO TLAA DIRAGALA ENG, MORAGO GA KE BOLELA?


Karabo: Bagolo ba tlaa itsese ba molao gore, o a lemadiwa. Morago ba buisane mme, ba tsee tshwetso ya gore o nne ko o babalesegileng teng.

Potso: KE DIRE JANG FA KE KARE NNYAA!!MME BA BO BA SA EMISE?


Karabo: Goa/kua thata gore mongwe a utlwe a go thuse, fa ele gore ga ore Nnyaa, ba tswelela fela. Kana o tlaa bolelela mongwe ga o setse o bona o babalesegile.

Potso: KE DIRE JANG GA BA KARE BA TLAA NKGOBATSA KANA BA GOBATSA OPE WA BA LWAPA LAME GA NKA BOLELA?

Karabo:  Bakgokgontshi ga ba rate go buiwa ka se ba se dirang, jalo baka go tshosetsa gore o seka wa bua. O tshwanetse wa nna pelokgale, o seka wa tshaba go bua.

 

Potso: KE DIRA JANG, GA ELE GORE KE KGOKGONTSHIWA KE NKGONNE?

Karabo: Bolelela batsadi, kgotsa mongwe yo mogolwane yoo motshepang fa ele gore batsadi ga ba dumele, kgotsa ga ba reetse.

Potso: A BA TLAA TENEGA GAKE BOLELA?


Karabo:  Ba ka nna ba tenega, mme lefa gontse jalo o tshwanetse wa bolela gore mokgokgontshi atle a emise.


SETSWANA LOGO.png

Translations : Oageletse Bansan Keatholetswe (Ambassador for Botswana)

Written and Animated by: Chrissy Sykes © 2019

bottom of page