2. Pina Ya Bobedi - Ga O Utlwa Gose Molemo, O Seka Wa Dira
Maikaelelo
1. Go ruta bana go reetsa maikutlo a bone
Bana ba bantsi ba a ikutlwa ga basa ikutlwele molemo ka se se dirwang, jaanong ba rute ka pina e
“Ga o utlwa gose molemo, o seka wa dira”
Maikutlo:
Ga o bua ka maikutlo, o kaba ruta gore, rotlhe re na le maikutlo. Maikutlo e ka nna a: boitumelo, kutlobothoko, Tenego le poifo. Go botlhokwa gore ba itse gore go ntse jalo mo lefatsheng lotlhe ka bophara.
“Ela tlhoko gore baka go fa dikai tsa maikutlo dile mmalwa...
Leka tshameka metshameko go supa maikutlo: boitumelo, tenego, kutlobothoko, kana ba tshwantshe difatlhego tsa kafa ba ikutlwang ka teng.
2. Bua Ka Go Gatelelwa / Go Rotloediwa Ke Balekane Ba Bone.
O ka fa bana dikai tsa go gatelelwa ke balekane ba bone mo sekolong kana ko lapeng. O ka bafa dikai ka ba bangwe, ba ba ka bagatelang go dirisa ditagi kana sengwe fela.
Itse fa go ganana le go gatelelwa ke balekane go le thata mo baneng, jalo ba bontshe botlhokwa ja go ikemela/ go itseela ditshwetso.
“Ga o utlwa gose molemo, o seka wa dira”
3. Go Rotloetsa Bana Go Ikemel
Bana ba tshwanetse go itse gore mebele ya bone ke ya bone, le gore fa dilo disa ba tsee sentle, bana le tshwanelo ya go ganana/ gore “NNYAA”
“Ga o utlwa gose molemo, o seka wa dira”
.
Mafoko A Ga Cynthie Gotswa Mo Setswhantshong Sa Motshikinyego
Rea go itumela thata ga re bina pina ee latelang, E na le molawana o, mogolo thata o o tshwanetseng wa o gakologelwa. Molawana o, ke gore gago utlwala gose molemo o seka wa dira..
Gake bue ka dilo tse di tshwanang le go dira tiro ya sekolo,kana go phepafatsa ntlo ya gago ya borobalo. Ke bua fa mongwe a leka go go patika gore le e,golo gongwe, mme o itse gore ga go a siama. Gago utlwala gose molemo, o seka wa dira!!
Ga O Utlwa Go Se Molemo, O Seka Wa Dira - Lyrics (Mafoko)
Batho ba kago tshwara tshwara bare go siame,
mme gakologelwa gore
Mmele wa gago , ke wa gago,
ke wena fela yoo itseng gago se molemo
Jalo gago utlwala gose molemo, o seka wa dira jalo. Huh!
Ga go utlwala gose molemo,o seka wa dira ,Huh!!
O seka wa dira ,o seka wa dira
Gona le batho bangwe baba tsayang ,gore o seeleele,
jalo baka leka gogofa ditagi,ba gontsha mo sekolong,
bare o dire diphiri, mme o itse gore oka dira jang,
kagore, ga go utlwala gose molemo, o seka wa dira
Nnyaa, ga o utlwa gose molemo ,o seka wa dira, Huh!!
O seka wa dira,o seka wa dira
Batho baka go tshwara ba go bolelela gore baa kgathala
Ga kere,gago a siama go neelana
Mme o tlaa itse, mo teng gago ga osa ikutlwele molemo Huh!!
Jalo ga osa ikutlwele molemo, o seka wa dira Huh!!
Nyaa ga osa ikutlwele molemo, o seka wa dira Huh!!
Oseka wa dira, o seka wa dira,
Nyaa ga osa ikutlwele molemo, o seka wa dira Huh!!
Oseka wa dira, o seka wa dira,
Nnyaa ga osa ikutlwele molemo,o seka wa dira, Huh!!!!




Translations : Oageletse Bansan Keatholetswe (Ambassador for Botswana)
Written and Animated by: Chrissy Sykes © 2019
Mele Wame Ke Wame
Lenaneo La Thibelo Kgokgontsho
Yabana