1. Pina Ya Ntlha - Mmele Wame Ke Wame
Go ruta bana gore ga goope, yoo nang le tletla ya go ba tlhokofatsa kana go tshwara dikarolo tsa bone tsa bong.
Go botlhokwa go ruta bana gore mebele ya bone e botlhokwa. Ba supegetse, gore dikarolo tse go buiwang ka tsone ke dife, gape baitse gore ke tsa bone fela.
Go Botlhokwa Gape Gore O Baitsitse Gore Batsadi Baka Tshwara Dikarolo TSA BONE, Gago Tlhokafala Jaaka:
1) Ga ba santse bale ba botlana, ba a tlhapisiwa.
2) Ga ba fiwa kalafi ke ba bongaka, botsadi kgotsa batlhokomedi, ga go tlhokega. Bana le tshwanelo yago tsaa kalafi ka bo bone, ga bana le bokgoni jago dira jalo.
3) Baoki baka tshwara dikarolo tsa bone tsa bong gago tlhokega, mme ba tshwanetse gore babo bana le batsadi nako tsotlhe.
Mele Wame Ke Wame
Lenaneo La Thibelo Kgokgontsho
Yabana
Ga gona nako epe fela ee leng gore baka letla ope go tshwara dikarolo tsa bone tsa bong. Ba tshwanetse go itse gore ba gane “NNYAA” ga ba ikutlwela, basa gololesege. Se se tla bathusa gore ba nne le boikarabelo ka mebele ya bone.
Go supega fa, diphesente di feta masome a fera bongwe (90%) ya dikgang tsa kgokgontsho ya bana, e dirwa mo malapeng, ke masika aba a itseng, ebile ba batshepa. Go diga serite, e bile go thokofatsa ngwana, mme a felelwa ke tshepo mo mothong yo a mo kgokgontshang. Jalo ngwana o tshwanetse a itse ga a babalesegile, ebile gona le bangwe ba aka ba tshepang, a bua le bone bamo reetsa.
Go Nna Le Diphiri
Bakgokgontshi ba bana baitse ga bana, ele batho baba mothofo go reetsa ga ba bolelelwa gore ba dire sephiri. Jalo go botlhokwa gore ba rutwe gore ba seka ba nna le sephiri le ope.
Go ruta bana ba santse bale ko tlase go botlhokwa, gore ba seka ba nna le diphiri dipe, bogolo jang tsedi ba tlhokofatsang, tsa go phorwa phorwa.
Bana Ba Tshwanetse Go Itse Gore, Ga Kgokgontsho E Ka Diragala:
1. Ga ba molato.
2. Gase bone baba dirileng gore go nne jalo.
3. Go botlhokwa gore ba bue gore kgokgontsho e fele
Gakologelwa gore mokgokgontshi e ka nna motho yoo botlhokwa mo botshelong Ja ngwana, a motshepa kana a morata. Jalo o tshwanetse wa buisana nae ka kelotlhoko.
Se supe tenego fa pele ga ngwana .Diga maikutlo o tsee taolo
Tlhalosetsa bana gore, fela jaaka, badirise ba ditagi phetelela, bakgokgontshi ba tlhoka thuso le bone ka gore baabo base mo seemong sese siameng, gore batle ba emise kgokgontsho e, ke gore bathusiwe.
Dingwaga Tsa /Dipaka Tsa Tiriso Ya Ditlhaeletsano Tsa Maranyane
Mo dipakeng tsa gompieno tse tiriso ya maranyane/ enthenete eleng konokono, re tshwanetse ra sireletsa bana mo bathong baba ka lekang go ba tsaa dinepe/ ditshwantsho ba sa ikatlega. Sedimosetsa bana ka kgang e, gore ba gane (NNYAA) ope fela yoo ka lekang go ba tsaa ditshwantsho.

MAFOKO A GA CYNTHIE GOTSWA MO SETSWHANTSHONG SA MOTSHIKINYEGO
Dumelang, ke bidiwa Cynthie, tsatsi jeno re tsile go dira lenaneo la Mmele wame ke wame,jalo re a go opela dipina, re ithute ka go ipabalela ,go tlaa nna monate!
Mmele ya rona, e botlhokwa thata, ebile gago ope yoo tshwanetseng a re lematsa ka tseela epe fela , kgotsa are tshwara tshwara dikarolo tsa bong, ka gore re batho baba kgethegileng thata.
Re a go bina pina ya ntlha jaanong,are opeleng mmogo. Pina e e bidiwa:
Mmele wame ke wame - Mafoko
Ke mmele wame,ke wame,
Jalo, gagoope yoo tshwanetseng go nkutlusa botlhoko,
Ka gore mmele wame ke wame
Ke wame,ke wame
Jalo, gagoope yoo tshwanetseng go ntshwara tshwara
Kagore mmele wame,ke wame
Ke na le matsogo a mabedi go tshwara,
le matho a mabedi go bona,
le ditsebe tse pedi go utlwa se o se buang
kena le maoto ale mabedi aa nonofileng,
go nkisa ko ke batlang go a teng
Ebile kena le dikarolo tsedi bofitlha ,
tse ke sa batleng di bonwa Mmele wame, ke wame
Jalo gagoope yoo tshwanetseng go nkutlwisa bothoko
Ka gore, mmele wame ke wame
Ke mmele wame,ke wame,
Jalo gagoope yoo nang le tlelta yago
ntshwara, kagore mmele wame ke wame
Ke nale moriri mo thogong, o ke batlang oo bone
Le mohubu , mo gare game,
Kena le nko e ntlenyane ,
le menwana ele lesome ya maoto Gape ke nale molomo,
go go bolelela gore ke batla gore o itse eng,
Ke mmele wame, ke wame
Ga goope yoo nang le tletla ya go nkutlwisa bothoko,
Ka gore mmele wame ke wame
Ee mmele wame ke wame......


Translations : Oageletse Bansan Keatholetswe (Ambassador for Botswana)
Written and Animated by: Chrissy Sykes © 2019