Mele Wame Ke Wame
Lenaneo La Thibelo Kgokgontsho
Yabana
3. Pina Ya Boraro Motshameko Wa Ga Ekabo
Maikaelelo
Go ruta bana go nna le maatla a go ganana kgotsa gore “NNYAA”
Motshameko o, oka o dirisa nako tsothe, bogolo jang ga o belaela gore ngwana mongwe oka tswa ana le seemo,
se se sa itumediseng, gore o kgone o tlhaloganye gore go diragala eng.
Dirisa motshameko go fa dikarabo mo diemong tsedi thata tse go seng motlhofo go tswa mo go tsone.
Dikai:
1. Gago ka diragala gore motho a kokote, ole esi mo lapeng?
-O seka wa bula lebati.
-Bitsa/ Leletsa moagisane kana mongwe wa losika, fa ele gore motho yoo kokotang o gana go tsamaa.
-Leletsa Sepodisi ga o boifa e bile o thokile thuso.
2. Go tlaareng ga motlhokomedi,a bata gogo tshwara tshwara dikarolo tsa bong.
-Ganana le ene, mme o itsise mongwe
-O seka wa fitlha kgotsa wa dira sephiri lefa baka go raa bare ke sephiri.
3. Ga go ka diragala gore motho yoo sa moitseng are o latlhegetswe ke ntsanyana, jaanong bare o ba thuse go e batla.
a) -Baree ore “Nnyaa”ga o letelelwe go tsamaa le motho o sa moitse, lefa ba ka kopa.
Re tshwanetse ra baakanyetsa bana diemo tsedi farologaneng, baitsi gore go nale metlhale e mentsi e baka welang mo kgokgontshong ka yone. Jalo o bafe dikai tsedi farologaneng ga o ba ruta.
Tlhalosetsa bana gore motho yo ba sa moitsing o raa mang?
Ga o ka botsa bana gore, motho yo ba sa moitsing ke mang. O tlaa utlwa dikarabo tsedi farologaneng tse di ntsi. Dikai:
1) Ke motho yoo bosula.
2) Ke motho yoo ka go tlhokofatsang.
3) Ke motho yoo fang bana, dimonamone
Re ruta bana gore:
-O seka wa bua le motho o sa moitse.
-O seka wa pagama koloi ya motho osa moitsi.
-O seka wa tsaa dimonamone mo, mothong yoo sa moitseng.
-Mme gansti re lebala go ba tlhalosetsa gore, motho yoo sa moitseng re raa mang tota.
Santlha: ruta bana gore motho yo ba sa moitseng ke mang.-ke motho yoo sa sikaneng nae ka sepe gotlhelele, ebile o sa mo itse.
E ka nna, Monna kgotsa mosadi, motho yo mogolwane kgotsa yoo mmotlana. E ka nna mohumi kana mohumanegi. Kgotsa motho wa letso fela le sele. Re tshwanetse raba bolelela gore gase gore motho mongwe le mongwe yoo sa moitsing o bosula, mme jalo ga motho yoo moitseng aka go kopanya le motho yoo sa moitseng, le kgona go feleletsa lele ditsala.
Mme ka jalo o seka wa bua le motho o sa moitse, ga lo sa kopanngwa ke motho yoo moitseng.
.
Dipaka/ Dingwaga Tsa Enthanete Le Tiriso Ya Maranyane
Dingwaga tse re tshelang mogo tsone ke, tse tiriso ya enthanete/ maranyane eleng
ko godimo, mo batho baba sa itsaneng banang le dikitso tsedi tseneletseng ka ba bangwe, jaaka “face book”, Twitter”, le tse dingwe. Go mothofo gore batho ba itsi maina a bana ba lelepa, mo go ka bakang gore go nne motlhofo mo go bone go kaba ngoka go tsamaa le bone, mo goka ba tsenyang mo diphatseng. Ruta bana gore le fa
motho aka itse maina a bone le tsedingwe ka malapa a bone, ga ba sa itsane ka gope ba seka ba tsamaya le bone.
Ga ba bona dikai tse batho baba sa baitseng baka lekang go ba ngoka ka tsone, jaaka:
a) “Mmago are ketle gogo tsaa mo sekolong, ka gore o santse a tshwaregile”.
b) “Tla o bone kena le dintsanyana tse dintle mo koloing”.
c)“Tsena mo koloing ke batla gogo bontsha sengwe se se itumedisang, kea go solofetsa ke ta go busa.”
(Gakologelwa gore batho ba ke batho baba itseng batho ko lwapeng, mme ba kgona go tsietsa bana)
Se se botlhokwa ke gore ba seka ba nna ba amogela dimpho dipe gotswa ko batho ba ba saba itseng, le fa mpho ya teng e kgatlhisa tota!
Mafoko A Ga Cynthie Gotswa Mo Setswhantshong Sa Motshikinyego
Jaanong rea go tshameka “motshameko wa , Ga e kabo”.
Mo pineng e rea go ithuta gore re ka dira jang fa motho yoo sa moitseng
a leka gogo ngoka gore o tsamae le ene,
kana a leke gogo tshwara tshwara dikarolo tsa bong.
A o itse ko dikarolo tsa gago tsa bong ko dileng teng?
Di bipilwe ke diaparo tsa gago tsa mo teng.
Ga goope yoo tshwanentseng go tshwara dikarolo tsa bong,
kontle ga o sale mmotlana,jalo mme kana rre o tshwanetse gogo tlhapisa teng,
mme o tla ithuta ga o ntse o gola. Kana ga o lwala, mooki,
mme kgotsa rre baka go tshwara teng ba gofa molemo, gago tshwanetse. Ko ntle ga seo,gagoope yoo tshwanetseng gogo tshwara dikarolo tsa bong. Rea go ithuta gore, re ka dira jang ga motho mo lapeng ,
kana losika a ka leka gogo lematsa.
Se o tshwanetseng go se dira gare opela ke go goela ko godimo ore “NNYAA”,..........
Rea go tshameka motshameko wa ga e kabo,o nale le dipotso le dikarabo.
Gore o nne mofenyi mo motshamekong o , o tshwanetse go re “Nnyaa fela”
Motshameko wa” Ga e kabo.....Mafoko
Ore Nnyaa! Ore Nnyaa fela!
Ga ekare, sekolo setswa motho yoo sa moitsing a leka gogo isa lapeng
A kgweetsa koloi ,e ntle a bo are “ dumela a o batla ke go pega?
‘ Nyaa ga ke goitse
Gake kake ka pagama koloi ya gago, ka gore mme le rre,
barile ke seka ka tsamaa le motho ke sa moitsi. Kare NNYAA!!
Bua ore Nnyaa!!
Jaanong ga ole ,ko lapeng
Abo motlhokomedi wag ago,
a leka gogo tshwara ko tlase,o dira jang?
Ore Nyaa,mma
Gake batle o ntshwara koo,
ka gore dikarolo tseo ke tsame tsedi bofitlha
Gape mmele wame gase wag ago,
kare NNYAA!! Ore NNYAA fela!!
Re tshameka motshameko wa “Ga e kabo”
Gonale le dipotso le dikarabo,
ga o batla go nna mofenyi ka nako tsotlhe!
Se ke seo tshwanetseng wa se dira,
ore NNYAA!Ore NNYAA fela!!
Jaanong ga ele gore gona le mongwe
Tsala kgotsa mongwe wa losika
Babo bago tshwara tshwara, kana ba go lematsa
Gobo go go utlusa bothoko? Ore NNYAA
Ke kopa o seka wa dira jalo,
Ga ke bate o ntshwara jalo, le fa ke gorata,
Ke kopa o seka wa ntshwara jalo,
O a bona gore ke monnye,
kare NNYAA! Ore NNYAA fela!
Ore NNYAA!



Translations : Oageletse Bansan Keatholetswe (Ambassador for Botswana)
Written and Animated by: Chrissy Sykes © 2019