Setswana
Mmele wa me ke mmele wame
Mmele wa me ke mmele wame
Mokwalo wa ga Cynthie go tswa mo kgatisong ya ditshwantso le modumo
Dumelang, leina la ka ke Cynthie mme gompieno re tlile go dira thulaganyo ya “mmele wa me ke mmele wa me”. Re tlile go opela dipina, re itumele mme re ithute go itshireletsa. A na le ya itse gore mebele ya rona e botlhokwa mme ga go motho yo a nang le tokelo ya go re utlwisa botlhoko, kgotsa le go ka tshwara tshwara dikarolo tsa rona tsa mmele tse difihlegileng kgotsa go etsa sengwe se se ka etsang gore re ukutlwe re sa golol0sega gonne ke mmele wa rona o botlhokwa. Re tlile go opela pina ya nhla jaanong – mme ke batla gore le opele le nna – I bitsiwa Mmele Wa Me Ke Mmele Wa Me.


Fa o sa ikutlwe sentle, o se ke wa etsa seo
Mokwalo wa ga Cynthie go tswa mo kgatisong ya ditshwantso le modumo
Re tli le go itumela ka pina eno e latelang, e na le molao o mogolo o re tshwanetseng go o gopola, mme molao o ke - Fa o sa ikutlwe sentle - o se ke wa etsa seo. Jaanong ga ke bue ka dilo di tshwana le go dira tiro ya sekolo kwa lapeng, kgotsa go phepafatsa phapusi ya gago ra borobalo. Ke bua ka fa mongwe a leka go go isa gongwe le bone mme o sa itse gore a na ke selo se se siameng go se dira. Fa o sa ikutlwe sentle, o se ke wa etsa seo. Kgotsa fa mongwe a leka go go dira gore o dire sengwe se se etsang gore o ikutlwe o sa gololosega, Fa o sa ikutlwe sentle, o se ke wa etsa seo.


Fa o sa ikutlwe sentle, o se ke wa etsa seo

Motshameko wa “fa go ka etsagala gore”
Mokwalo wa ga Cynthie go tswa mo kgatisong ya ditshwantso le modumo
Jaanong re tlile go tshameka Motshameko wa “fa go ka etsagala gore” mm emo pineng e re tlile go ithuta gore re ka dira eng fa motho yo o sa mo itseng a leka go dira gore o tsamaye le ene, kgotsa fa mongwe a leka go tshwara tshwara dokarolo tsa gago tsa mmele tse di fihlegileng. A na o a itse gore dikarolo tsa gago tsa mmele tse di fihlegoleng di fa kae? di fa diaparo tsa gago tsa ka fa teng le borokgwe ba gago di sereleditseng. Ga go motho yo a dumeletsweng go go tshwara tshwara dikarolong tsa gago tsa mmele tse di fihlegileng fa e se fela fa o le lesea, Mama le Papa batla go tlhapisa fao, mme o tlile go ithuta go dira seo ka bo wena’ kgotsa fa o lwala kgotsa fa o utlwa botlhoko, Mama kgotsa Papa kgotsa Ngaka bat la tshwanela ke go go tshasa setlhare fao. Ntleng ga seo, ga go motho yo a tshwanetseng go tshwara tshwara dikarolo tsa gago tsa mmele tse di fihlegileng.
Gape re tlile go ithuta gore re ka dira eng fa mongwe kwa gae kgotsa wa lelapa a dira gore o ikutlwe o sa gololosega kgotsa a leka go go utlwisa botlhoko. Se o tshwnetseng go se dira fela mo motshamekong o ke go goa o re “NNYAA”, jaanong ke batla gore o goe ga monate le ka modumo….
Fa o na le mathata
Mokwalo wa ga Cynthie go tswa mo kgatisong ya ditshwantso le modumo
A na go botlhokwa go bolelela mongwe fa mongwe a go utlwisa botlhoko kgotsa a go tshwara tshwara dikarolo tsa gago tsa mmele tse di fihlegileng’ le fa o utlwa o tshogile kgotsa o hlabiwa ke ditlhong, o tshwanetse go re o nne pelokgale thata mme o bolelele mongwe, go na le batho ba bantsi ba o k aba bolelelang , bo Mama, bo Papa, bo Mmemogolo, bo Rremogolo, bo Mmane, bo Malome, Barutabana, bo Ntsalao, Baagisane, Batsadi ba ditsala tsa gago, Maphodisa, Baoki le batho ba bangwe ba le bantsi gaufi le wena. Jaanong fa o bolelelela batho mme ba sa go tshepe – bolelela o mongwe mme o tswelele pele go bua go fihlela mongwe a go utlwa, o seka wa ineela.
Lerato le bonolo
Mokwalo wa ga Cynthie go tswa mo kgatisong ya ditshwantso le modumo
A re bueng ka lerato, go botlhokwa thata go ratiwa mme batho ga ba bontshe lerato la bone mo go wena ka go go utlwisa botlhoko kgotsa go dira dilo tse di etsang o utlwe o sa gololosega. Batho ba bontsha gore ba go rata ka go dira dilo tse ba itseng gore o a di rata go tshwana le go bala dibuka, go tshameka metshameko, go itumela, go tsamaya kgotsa go go ruta go pagama baesekele. Lerato le gohle ka go arogana le go kgatallana. Batswadi le batlhokomedi ba rona ba tlhomamisa gore ra tlhokomelwa, ba re jesa, ba tlhomamisa gore re hlapa meeno, mme le gore re na le diaparo tse di phepa go apara mme fa re lwala ba re isa ngakeng. Go botlhokwa thata gore re tlhokomelwe sentle gore re gole re itekanetse, re itumetse mme re na le maatla.

Lerato le bonolo
Mokwalo wa ga Cynthie go tswa mo kgatisong ya ditshwantso le modumo
Ke solofela gore o itumeletse go opela dipina tsotlhe le rona mme o tla gopola dilo tse le ithutileng ka mmele wa gago o botlhokwa. Gopola go gana o re NNYAA!! Fa mongwe a leka go tshwara tshwara dikarolo tsa gago tsa mmele tse di fihlegileng kgotsa fa batho ba leka go dira dilo tse di go etsang gore o ikutlwe o sa gololosega kgotsa go go utlwisa botlhoko.
Gopola molao o “Fa o sa ikutlwe sentle, o se ke wa etsa seo”, mme o gopole go bolelela mongwe fa o utlwisiwa bohloko kgotsa o tshwarwa tshwarwa kgotsa fa o kgerisiwa ka tsela efe ka pa efe, mme o tswelele pele o bua go fihlela mongwe a go utlwa. O se ke wa ineela!!! A re opeleng pina ya “Mmele wa me ke mmele wa me” la bofelo!!

Translations kindly done by : KABELO GIVEN RABAJI
With thanks to Stichting GetOn for organisng the translations