Mmele Wame Ke Wame
Mele Wame Ke Wame,
Lenaneo La Thibelo Kgokgontsho
Yabana
Mmele wame ke wame ke Lenaneo le le itebagatseng le go thibela/ go emisa kgokgontsho ya bana.Mo lonaneneong le, go dirisiwa ditshwantsho tse di kgatlhang bana, kgotsa “dipopae”, le dipina .
Go dirilwe jalo go tlhofofatsa go anamisa molaetsa wa thibelo kgokgontsho ya bana, gore le bone batle ba tlhaloganye.
Maduo/ ditlamorago tsa kgokgontsho ya bana mo ngwaneng yoo amegileng le mo setshabeng di dikgolo, jalo thuto ke yone fela e ka thibelang/ femang, le go thusa baba amegileng..
Ke tlhomamisa gore lenaneo le, le nale maduo, ka le setswe le lekeleditswe/ go rutilwe bana baka tshwara dikete dile makgolo a mararo le masome a matlhano, ko Amerika (USA). Jalo, go tsibogela go ruta bana ka go tlhokomela mebele ya bone go ka tlisa maduo a a, amogelesegang.
Molemo wa lenaneo le ke gore, le dirilwe ka tsela ee bulegileng, go tlhofofatsa puisano ka dikgang tsa kgokgontsho le bana, le gore mongwe le mongwe yoo nang le keletso ya go ruta bana ka kgang e, e ka nna: morutabana, mma boipelego, motsadi, kana ope fela moitlhaopi a kgone go dira jalo.
O buisana jang le bana ka dikgang tsa kgokgontsho
Batsadi ka bontsi, ga ba rate go bua ka dikgang tsa kgokgontsho le bana. Jalo dipina tsedi kgatlhisang tse, di tla fa batho sabaka sa go ruta le go tsalana le bana.
Goreng Dipina/ Mmino?
Mmino ke tsela ee kgethegileng ebile e siame thata go ruta bana, ka gago motlhofo ba ka lebala molaetsa. Ke dumela gore le gompieno bagolo ba santse ba ka gakologelwa dipina tse baneng ba diopela mo bonnyenyaneng jwa bone. E bile thuto e e tla nna mosola le mo bokamosong jwa bone.
.
Tshekatsheko ee dirilweng, e akaretsa bana, ebile e dirwa ka mmino, ka go supagetse, fa mmino o na le seabe sese golo mogo rotloetseng kafa motho/ngwana a itebang ka teng,le go tsholetsa serite sa gagwe.
*The Power Of Music - University of London
“Lenaneo Le, Le Dirisiwa Jang”?

Dira gore lo kgathise -
Dipina tse, di monate ebile dia kgatlhisa, ka go dirisitswe ditshwantsho “dipopae”, ka ketelopele ya motshameki wa leina la “CYNTHIE”.
“O tshwanetse wa opela, wa bina le Cynthie gore, bana ba utlwe mafoko le molaetsa gore ba seka ba lebala.”
dira gore go nne motlhofo -
Gago botlhokwa go ruta bana, phetelela ka kgokgontsho, ba rute ka go balekanyetsa.
Ba tshwanetse goitse gore/ melawana:
1. Gagoope yoo tshwanetseng go go tlhokofatsa.
2. Gagoope yoo tshwanetseng go tshwara dikarolo tsa gago tsa bong.
3. Gagoope yoo tshwanetseng go tsaa ditshwantsho/
dinepe tsa dikarolo tsa gago tsa bong.
4. Ga ona le mathata, bolelela mogolo yoo moratang.
5. O seka wa didimala fa gona le mongwe yoo tshwarang
dikarolo tsa gago tsa bong.
6. Bolelela mongwe ga o kgokgontshwa ke bangwe.
Dira Gore Go Nne Le Boleng/ Mosola -
Moono/ kgang kgolo ke gore bana ba ithatate, le gore ba ikutlwele ba babasegile go bua, fa bana le bothata.
Go ka nna molemo gore, morago ga thuto nngwe le nngwe bana ba, tshwantshe se ba se tlhalogantseng, ba bue, kgotsa ba kwale ka sepe se sesa ba jeseng monate.
Ntlha ya botlhokwa ke gore, dira gore bana ba bine, ba opele. Mo go ka dira gore ba gololesege ebile batsee karolo.

Mmele Wame
Ke Wame



Translations : Oageletse Bansan Keatholetswe (Ambassador for Botswana)
Written and Animated by: Chrissy Sykes © 2017